Noka ya Kasai
| Noka ya Kasai | |
|---|---|
| Mouth | Noka ya Congo |
| Basin countries | Angola Democratic Republic of the Congo |
| Location | Bie Plateau |
| Length | 2,272 km (1,412 mi) |
| Source elevation | 1,300 m (4,300 ft) |
| River system | Noka ya Congo |
| Left tributaries | Noka ya Kwango Noka ya Loange |
| Right tributaries | Noka ya Sankuru Noka ya Fimi Noka ya Lulua |
Noka ya Kasai (ka teme ya Swahili: Mto Kasai, ka seFora: Kasai; ka sePotokisi sa kwa Angola Cassai) ke motswedi o o kwa lotshitshing lo lo kwa molemeng wa noka ya Congo, kwa legareng la Aforika.[1] Noka e simologa kwa legareng la Angola e elelela kwa botlhaba go fitlhelela e goroga kwa molelwaneng o o fa gare ga lefatshe la Angola le la Democratic Republic of the Congo, kwa e fapogelang kwa bokone e dira molelwane go fitlhelela e goroga kwa DRC. Go tswa kwa Ilebo, fa gare ga bokopano jwa noka ya Lulua le ya Sankuru, noka ya Kasai e fapogela kwa bophirima. Kwa tlase ga noka, go tswa kwa e kopanang teng le noka ya Fimi go fitlhelela e kopana le noka ya Congo kwa Kwamouth kwa bokone-botlhaba jwa Kinshasa, e bidiwa noka ya Kwa(h).
Kgampu ya Kasai e na le dikgwa tsa pula di le dintsi, tse di dirang lefatshe la temothuo om kgaolong e e itsegeng ka go tlhoka mmu wa temo, wa motlhaba.[1] Ke motswedi wa noka ya Congo, diteemane di fitlhelwa mo go yone. 60% ya diteemane tsa Belgium di tswa kwa nokeng ya Kasai go kgaolwa le go bopiwa.
Patlisiso
[fetola | Fetola Motswedi]
Henry Morton Stanley o gorogile kwa bokopanong ka Mopitlo a robabongwe ngwag wa 1877, a fa noka leina la Nkutu, "noka e kgolo e e boteng", mme a e lemoga fa e tswa mo go ya ga David Livingstone ya Kwango.[2]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]Metswedi megolo ya Kasai kwa godimo go tswa kwa bokopanong le noka ya Congo:
- Noka ya Fimi (kwa mojeng - Fimi le Lukenie dikhilomithara di le seke, lekgolo le masome a mabedi)
- Noka ya Kwilu - Kwango (mo moelemeng - dikhilomithara di le sekete, makgolo a supa le bobedi)
- Noka ya Loange (kwa molemeng - makgolo a robabobedi, masome a marataro le botlhano)
- Noka ya Sankuru (kwa mojeng - Sankuru - Lubilanji dikhilomithara di le sekete, makgolo a mabedi le masome a robabobedi)
- Noka ya Lulua (kwa mojeng - dikhilomithara di le sekete, lekgolo, masome a robabobedi le bone)
- Noka ya Tshikapa (kwa molemeng - dikhilomithara di le makgolo a marataro, masome a mararo)
- Noka ya Longatshimo (kwa molemeng - dikhilomithara di le makgolo a matlhano, le masome a matlhano)
- Noka ya Luembe (kwa molemeng - makgolo a supa, masome a robabobedi)
- Noka ya Lueta (kwa mojeng - makgolo a mararo, masome a robabongwe le botlhano)
Botlhokwa mo itsholelong
[fetola | Fetola Motswedi]Metswedi ya noka ya Kasai ga e a thibelwa ke sepe jaaka mehero, se se dira gore e kgone go tsamaega. E thusa mo mohameng wa dipalamo tsa mesepele gape di ra mafaratlhatlha a kgwebo a a botlhokwa. Seabe sa noka e mo dipalamong le mo thekisong se ne se le kwa godimo ka nako ya pele ga bokolone fa go gweba ka makgoba go ne go letlelelwa. Bagwebi ka makgoba ba ne ba dirisa mongwe wa metswedi ya yone noka ya Kwango, go tsamaya mo sekgweng, go tshwara makgoba le go boela kwa lewatleng la Atlantic kwa ba neng ba beile dikepe tsa bone teng. Go a ganetsanwa ka gore mangwe magosi a mo gae a ne a ema kgwebo ya makgoba nokeng. Bogosi jwa Rund e le sekai, bo ne bo neela bagwebi ba ba itsegeng thata ba makgoba makgoba, ba tshwana le John Matthews, mogwebi wa makgoba wa kwa Britain. Ditirelo tse, le ntswa di diragetseng ka lekgolo la dingwaga di le lesome le borobabobedi le lekgolo la dingwaga di le lesome le borobabongwe, di nnile le ditlamorago tse di utlalang mo dikgaolong tse di neng di tlwaelesegile thata kwa go tsone, jaaka fa gare ga dinoka tsa Kwango le Kwilu. Palo ya batho ga ise e boele ka botlalo, ka palo ya batho e kwa tlase mo dikgaolong tse fa e tshwantshanngwa le dikgaolo tse di sa nnang le kgwebo ya makgoba. Selo se se neng se kgatlha batho ba Britain le ba Portugal thata ka noka ya Kasai ke go nna le diteemane mo seretseng sa noka, bogolo jang kwa molomong wa noka. Diretse tse dingwe di mo moalong wa motswedi mogolo, noka ya Kwango. Go tlwaelesegile go utlwa mafoko a a reng "boremelelo jwa diteemane tsa bokone-botlhaba jwa Angola" a dirisiwa go tewa noka ya Kwango. Se ke ka gore moalo wa diteemane tse di fitlhlwang kwa kgaolong eo ke one o o nonneng go gaisa.
Ditshedimosetso tse dingwe
[fetola | Fetola Motswedi]Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 Broadhead, Susan (1992). Historical dictionary of Angola. Metuchen, N.J: Scarecrow Press. p. 99. ISBN 0585070091.
- ↑ Stanley, H.M., 1899, Through the Dark Continent, London: G. Newnes, Vol. One ISBN 0486256677, Vol. Two ISBN 0486256685